Sunday, March 1, 2009

Ba ga Ngwaketse ba lemile ka bontsi

KANYE - E re le mororo pula e nele morago mo kgaolong ya borwa, ga go a ka ga kgoba balemi marapo go tswelela ka letsema mono ngwaga.
Se se lemogilwe ke Mme Doreen Lesang, modulasetilo wa komiti ya balemi mo kgaolong ya Kanye bokone.
Erile a lekodisa Mopalamente wa Kanye bokone, Rre Calvin Batsile ka seemo sa temo mo diphuthegong tse a ntseng a di buisa bosheng, Mme Lesang a leboga ba lephata la temo thuo go ba okeletsa lebaka la temo ka lenaneo la ISPAAD.
O boletse gore mme gone le fa pula e netse maragong, gone ba ne ba diiwa ke diterekere tsa puso ka jaana thulaganyo ya tsone e ne e le kwa morago. A re ka jalo bangwe ba ne ba tlamega go dirisa digogi tsa bone.
Fa a tswa la gagwe, Rre Batsile o ne a bolela fa a itumedisitswe ke gore balemi ba Rakgokonyane ba tsibogetse letsema ka bontsi. O boletse fa go le botlhokwa gore Batswana ba tlhoafalele temo go ntsha dijo, bogolo jang ka seemo sa itsholelo e e reketlang se seka nnang sa bakela lefatshe leno tlala.
Mo godimo ga moo, o ne a akgolela balemi bao bonatla jo ba bo supileng mo dikomiting tse di farologanyeng, a gatelela gore ba inaakanye thata le lenaneo la ISPAAD gore ba tokafatse matshelo a bone.
E rile ba komiti ya ditlhabololo tsa motse ba lekodisa mopalamente ka tsa ditlhabololo, ba bolela fa ba tsweletse sentle ka ditiro tsa lenaneo la namola leuba, fela ba boletse fa go nnile le tiego ya didirisiwa go tswa kwa khanseleng ya kgaolo potlana ya Moshupa.
Modulasetilo wa VDC, Rre Ramatutu Ntoko o boletse gore ba tshwere go dira tsela ya Ranaka/Lotlhakane botlhaba/Rakgokonyane. BOPA

No comments:

Post a Comment