Sunday, March 1, 2009

Madomkraga a kgothadiwa go bopagana

LETLHAKANE - Mopalamente wa Boteti borwa, Rre Lebonaamang Mokalake o kopile maloko a Domkrag go ipabalela mo serung se se ba wetseng mo phathing ya bone sa maloko go tswa ba ya go ikemela ka nosi.
Rre Mokalake, yo e bileng e le mothusa tona wa dikgaolo, o kgalemile jalo kwa phuthegong ya sepolotiki e e neng e tshwaretswe mo kgaolwaneng ya botlhophi ya Xhumo/Mmadikola go tlhoma mokhanselara wa kgaolwana eo, Mme Baitsise Boima semmuso. A re madomkraga a tshwanetse a babalela bana ba bone ba seka ba iphitlhela le bone ba wetswe ke seru seo sa go ema ka nosi.
Mokalake o ne a tshwantshanya go ema ka nosi le bolwetsi jwa dinonyane, a supa fa mhikela wa dinonyane o tlhasetse, mme a ba kopa gore ba babalele bana ba bone bolwetsing joo.
O ne a tswelela ka go tlhalosa fa seru seo se tlhasetse kwa motseng wa Letlhakane le kwa Xere mme a kopa madomkraga go nna maloko a motia, a supa fa ba diphathi tsa kganetso ba tlhaelelwa ke boloko mme ba batla batho mo goora Domkraga, ka jalo a re ba kganetso ba tshwanetse ba fitlhela ba Domkraga ba bopagane ba ka seka ba tsenwa ke sepe ka bogare.
A re ga go na ope wa phathi ya kganetso yo o ka emelang lefatshe la Botswana e le tautona, a tlhalosa fa go se na lefatshe le le ipusang bontle go gaisa lefatshe la Botswana, mme a re Madomkraga ba tshwanetse ba ikgapha mo go tseweng ke phefo.
O ne a bolela fa diphathi tsa kganetso di tsentswe tsebetsebe ke mananeo a mantle a a tsholetsang matshelo a Batswana a Domkrag e duleng ka one.
Mokalake o ne a kopa morafe wa Xhumo go tlogela go rata go lekeletsa dilo, mme a ba kopa go tlhopha motho wa mme yo o ka tokafatsang matshelo a bone, a tlhalosa fa ditiro tsa gagwe di ka seka tsa tshwantshanngwa le tsa ga ope.
A re fa ba tlhopha phathi ya Domkrag ba tlaa bo ba tshegetsa le go tiisa mmuso o o tlhomameng wa lefatshe la Botswana.
Ntlhopheng wa kgaolwana ya Rakops, Mme Batoli Manyoni o ne a kopa botsadi jwa Xhumo go ema ka dinao go ipaakanyetsa bokamoso ka go tlhopha mosadi, e bong Mme Baitsise Boima.
Mme Manyoni o ne a tlhalosa gore fa go tlhophiwa go lejwa bokgoni jwa motho le phathi e go itseweng e ka tshegetsa matshelo a batho, a supa fa phathi ya Domkraga e le yone e ka ba isang kwa botshelong.
Mme Boima, yo e leng ene ntlhopheng wa kgaolwana ya botlhophi ya Xhumo/Mmadikola, o ne a supa fa a na le tshepho ya gore e tlaare ka Phalane ditalama di balwa Domkraga e be e tsere setilo mo kgaolong ya gagwe.
Boima o tlhalositse fa Domkrag e direla Batswana ditiro tse dikgolo tse di akaretsang ditlamelo tse di tshwanang le metlakase le ditsela.
O ne a re ga go thuse sepe gore motho a latole phathi ya Domkraga a re ga e dire sepe mme ditiro tsone di bonala. Mme Boima o ne a tlhongwa ka moono o o reng, Itlhophele bokamoso, tlhopha mosadi.

No comments:

Post a Comment