Sunday, March 1, 2009

Setopoti se lotlhanya batho kwa Tswapong

PALAPYE - Bojalwa jwa legapu jo bo bidiwang setopoti bo a bo bo simolotse go tlalatlala mo kgaolong ya swapong jaaka letlhafula le gorogile jaana.
Sebe sa phiri ke gore banwi ba jone, fela jaaka ba bojalwa bongwe le bongwe, ga ba ke ba tlhoka go fapaana ka mafoko fa bo setse bo ba lekane, selo se se bakang dikgotlhang.
Go tlhalosega fa mathotlhapelo a a bakwang ke bojalwa jo a akaretsa go bala ba bangwe dinama kgotsa go ba tlhapatsa le go ba lwantsha, mme mo gongwe motho a felele a latlhegetswe ke botshelo.
E rile bosheng rre mongwe wa Ramokgonami a lwantshiwa ke yo mongwe a ba a mo golafatsa mo tlhogong morago ga go nna le tlhoka kutlwisisanyo go sena go nowa.
Go ya ka mongongoregi, mmelaelwa o ne a mo kgomogela ka Thipa, mme ya re a re o a iphalotsa a mo golafatsa ka lebalelo.
Mo potsolotsong le baboni ba tiragalo e, go lebega fa bobedi bo ne bo sa lwele kgang ya sepe.
Mmoni wa tiragalo a re go lebega fa bobedi bo ne bo setse bo iphetisitse setopoti.
Ntwa ya bobedi jo ke ntwa e e kabong e sa nna teng ka se ba se lwelang ga se kgang ya sepe. Mathata a tswa mo go reng ba ne ba nole Setopoti thata.
Setopoti se baka diphapang mo banwing ba sone.
Mongwe wa bagolo mo motseng o supile fa setopoti se dia ditiro mo motseng ka motho a a ne sale a se kokomaletse.
Badisa ga ba sa tlhokomela loruo ka ba nna fela kwa setopoting. Selo se se dia ditiro mo motseng o.
Botsadi gape bo supile fa setopoti se rotloetsa mafoko a a botlha ka fa motho a se nole ga a its pharologanyo fa gare ga mogolo le monnye.
Go ya ka lepodisi la morafe kwa Kgotleng ya Ramokgonami, Rre Lovie Abel a re ba setse ba kwadisitse dikgang tse di amanang le Setopoti di le mmalwanyana.
Rraetsho dikgang tsa setopoti di a tshwenya ka mo bekeng re kwadisa di feta bobedi.
Mafoko a ga Rre Abel a tladitswe ke Kgosi Moeng Thabologang, yoo supileng fa go nowa ga setopoti go baka tlhoka kutlwisisanyo e ntsi.
Rraetsho jaaka se a bo se simolotse go nowa jaana re a bo re le mo mathateng ka dikgang tsa sone di sa fele.
Banwi ba sone ba se bitsang ba re ke Guava Juice.
Kgosi Thabologang a re dikgang tsa setopoti di akaretsa matlhapa, dintwa, fa gongwe le thubetso tota. O tsweletse ka go kopa morafe go fokotsa go nwa setopoti. BOPA

No comments:

Post a Comment