Sunday, March 1, 2009

Go nyelela ga pantunu go kgoreleditse mesepele

GUMARE - Go nyelela ga pantunu e e tlodisang dikoloi le batho go kgabaganya noka ya Okavango kwa Mohembo bosheng go ne ga kgoreletsa mesepele kwa lefelong leo.
Mogolwane wa lekalana la dikoloi tsa puso la CTO kwa Mohembo, Rre Elija Thaba o boletse mo potsolotsong gore, pantunu eo e lemogilwe fa e se yo ke modisa dikago yo e rileng a tlhatlhoba dithoto pele ga a golola ka nako ya borataro mo mosong e fitlhela e se yo, mme a mmegela ka tiragalo eo.
A re ba begetse mapodisi ba bo ba e batla mo nokeng mme ba e fitlhetse e kokobetse mo metsing kwa Shakawe, dikhilomithara di ka nna lesome go tswa kwa Mohembo.
Rre Thaba a re ba belaela gore e bofolotswe ke basimanyana bangwe ba Mohembo ba ba tshwenyang ka go utswa leokwane ka mabetwa e pelo fa ba fitlhela leokwane le lotleletswe, mme ba swelela gore e tsewa ke metsi.
A re ga a belaele gore e bofolotswe ke metsi ka ka jaana fa go kabo go le jalo keetane ya yone, e kabo e fitlhetswe e akgega.
O ikuetse mo batsading ba Shakawe le tikologo go loma mapodisi tsebe fa ba belaela bangwe ba ba ka tswang ba dirile tiro e e setlhogo eo.
Rre Thaba a re e re ka jaana pantunu eo e ne e se mo tirisong e santse e baakanngwa, go ba tsere lebaka la dioura di supa go e busetsa kwa Mohembo ka ba ne ba dirisa pantone e nnye go e goga. Legale a re e solofetswe go boela mo tirisong beke e e tlang e ya bokhutlong.
O lebogetse ba sesole sa Botswana kwa Shakawe go bo ba ba thusitse go tlodisa batho ka pantunu ya sesole fa ba ne ba santse ba leka go goga e e neng e nyeletse. Le fa gontse jalo, batho bangwe ba ba neng ba emetse go tlodisiwa ka pantunu ba ngongoregetse gore ba sesole ba ne ba tlodisa dikoloi tsa puso fela, ba tlogela tsa setshaba ntswa gone go le mosuke, ba re seo ke tlhaolele.
Legale, mogolwane wa sesole kwa Shakawe, Rre Amogelang Masugae o tlhomamisitse fa e le nnete ba ne ba tlodisa dikoloi tsa puso fela, bogolo jang tsa dikokelwana ka di ne di rwele balwetsi le tsa mapodisi go tila mosuke ka ba ne ba ka seke ba kgone go ba thusa botlhe ka ntlha ya bonnye jwa pantunu ya bone.BOPA

No comments:

Post a Comment