Sunday, March 1, 2009

Monna o bolaile mosadi a ba a ikaletsa

Mahalapye - Mapodisi a Machaneng a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone monna wa dingwaga tse di masome mararo a neng a bolaya mosadi wa dingwaga tse di masome mabedi le boferabongwe, mme morago le ene a ikaletsa.
Mogolwane wa mapodisi a kgaolo eo, Rre Gaokganelwe Rannyena a re tiragalo eo e diragetse ka Laboraro bosigo morago ga gore batho bao, ba go bolelwang e le baratani, ba tlhoke kutlwisisanyo.
A re monna yoo o tlhabile mosadi ka sengwe se se bogale, mme le ene morago a nyeletsa botshelo jwa gagwe ka go ikaletsa mo setlhareng kwa masimong a Mmasetsala, dikhilomithara di se kae go tswa mo motsing wa Kudumatse.
Rre Rannyena o boleletse BOPA mo potsolotsong gore monna yoo, yo maina a gagwe a santseng a lobilwe go fitlhelela ba masika ba itsesiwe, o tlholega kwa motseng wa Gojwane, fa mosadi ene a tlholega kwa motsing wa Kudumatse mo kgaolong potlana ya Mahalapye.
Ka nako ya kgang e e kwalwa, direpa ka bobedi di ne di le mo setsidifatsing sa kokelo ya Mahalapye go tlhatlhojwa ke dingaka. Rre Rannyena o boletse fa baswi ba tlogela bana ba le babedi; mosimane le mosetsanyana.
Kwa Martins Drift mogolwane wa mapodisi a kgaolo eo, Rre Thomas Nkoga o bolela fa ba tshwere batho ba Zimbabwe ba le masome a mararo le motso ba leka go kgabaganya noka ya Limpopo kwa kgorong ya molelwane ya Martins Drift.
Rre Nkoga o tlhalositse fa e tlaare ditlhotlhomiso di sena go wela batho bao, ba mo go bone go leng banna ba le lesome le boferabobedi , basadi ba fera bongwe le bana ba le bane ba isiwe fa pele ga kgotla ya ditsheko go lebisiwa molato wa go tsena mo Botswana ba se na dipampiri tsa mesepele, mme e re morago ba neelwe ba lephata la tsa mesepele le dipasa go ba busetsa gae.

No comments:

Post a Comment