Sunday, March 1, 2009

Maphata a kgothadiwa go bega ditiro tsa AIDS

BOBONONG - Baeteledipele ba maphata a puso mo kgaolong potlana ya Bobirwa ba rotloeditswe go tsosolosa ditlhopha tsa bone tse di itebagantseng le go tlhotlhomisa gore dikomiti potlana tsa HIV/AIDS di nna teng kwa metseng.
Mothusa mokwaledi wa kgaolo potlana ya Bobirwa, Rre Tshango Gulubane o kopile jalo mo phuthegong ya komiti ya HIV/AIDS ya kgaolo potlana eo mo Bobonong bosheng.
Rre Gulubane a re ditlhopha tse di tshwanetse tsa bona gore dikomiti potlana tsa metse tsa HIV/AIDS di a bereka gore gonne motlhofo go anamisa molaetsa wa HIV/AIDS mo morafeng.
Legale Rre Gulubane o ne a akgola baeteledipele ba maphata go bo ba tsene phuthego eo ka dipalo tse di kwa godimo, a re mme sebe sa phiri ke gore maphata mangwe ga a ntshe dipego tsa one jaaka go tshwanetse, a re o tlaa sala seemo se morago go se tokafatsa.
Ka phuthego e ne e ngongorega ka makalana a khansele ya gagwe ba re ga a ke a ntsha dipego tsa one, Rre Gulubane o supile fa a tlaa tlhomamisa gore mo nakong e e tlang ba ntsha dipego tsa bone fela jaaka maphata a mangwe a dira.
Rre Gulubane a re maphata a tshwanetse a ntsha dipego tse di nang le tswelelopele, a re ditlhopha tse di tshwanetse tsa tlhoafalela go tsosolosa dikomiti tsa HIV/AIDS ka gore ka tsone ba ka bona tswelelopele kwa metseng e e farologanyeng.
Molomaganya merero ya HIV/AIDS mo kgaolong potlana ya Bobirwa, Mme Mosetsanagape Busang e ne o ne a re ke tshwanelo gore fa ditlhopha di na le bothata jwa go kopana di itsese ofisi ya gagwe ka gore tshwanelo ke gore di bereke.
Mme Busang a re go ntsha dipego mo phuthegong ya DMSAC ga go a lebagana fela le baeteledipele ba maphata, a re ope fela o na le tshwanelo ya go ntsha pego ya lekalana la gagwe ka se se diragalang.
A re komiti kgolo ya DMSAC e tlhoka dipego tsa maphata mabapi le ditiro tsa HIV/AIDS, mme fa ba sa dire jalo ke mathata.
Mogolwane wa lekalana la Tebelopele kwa toropong ya Selibe-Phikwe, Rre Tobane Morake a re ba lebagane le dikgwetlho tsa go fokotsa palo ya banana ba ba angwang ke mogare wa HIV ba ba dingwaga tse di masome mabedi go ya kwa go masome mabedi le boferabongwe.
Rre Morake a re maikaelelo ke go simolodisa lenaneo le le itebagantseng le banana bao kgatlhanong le HIV/AIDS Bobirwa.
O tlhalositse fa lenaneo leo le tsamaisiwa ke ba Tebelopele, maikaelelo e le go neela banana dithata gore ba itshireletse mo go anamiseng mogare wa HIV, gore ba kgone go fitlhelela maitlamo a tebelopele ya setshaba ya 2016 e e nang le kitso e itekanetse.
Rre Morake o tlhalositse fa ba setse ba simolotse tekeletso ya lenaneo le kwa Selibe Phikwe, mme maikaelelo ke go le atolosetsa kwa dikgaolong.
A re le simologile kwa Gaborone kwa le atlegileng teng.
Fa a bua ka dikausu tsa bomme a re go lemosegile fa di sa dirisiwe ka palo e e nametsang jaaka tsa borre.
Fa a Kuela, mme Busang o ne a re borre ba tshwanetse ba rotloetsa tiriso ya dikausu tsa bomme, a re batho ba tshwanetse go rutwa tiriso ya sekausu sa bomme ka tlhoafalo.
Phuthego e supile fa go na le ditumelo tse di farologanyeng ka sekausu sa bomme, ba re bontsi jwa batho ga bo batle go e dirisa go balelwa le bone bomme tota.
Mogolwane mongwe go tswa kwa kokelong potlana ya Mmadinare, Rre Daniel Ramangwegape a re banna ga ba na seabe mo mananeo a ntwa kgatlhanong le HIV/AIDS.
A re go dira jalo ke go rontsha bomme ditshwanelo tsa bone, a re nako e tsile ya gore bomme le bone ba bue ka dikgang tsa thobalano ba sa oshaoshe go na le gore e nne tshwanelo ya borre ba le bosi, a gatelela ka gore bomme ba rutwe go ipuelela.
Nngwe ya dikgang tsa moruthutha e ne ya nna ya bomme ba ba imang kgapetsakgapetsa, mme ba tshela ka mogare wa HIV le gore batho bangwe ba tshwarwa ka mogare wa HIV, mme ba bo ba nyelela ba sa tsene mo lenaneong la diritibatsi ba ntsha mabaka a a farologanyeng a a ba kgoreletsang go dira jalo jaaka go tlhoka ditsompelo le dipalamo.
Le fa go ntse jalo, maphata ka bontsi a ne a ntsha dipego tsa one, go supa ditiro tsa one le mathata a ba thulanang nao. BOPA

No comments:

Post a Comment