Sunday, March 1, 2009

Ngwana kgomo ya motlhakanelwa

BOBONONG - Batsadi ba kopiwa go ema ka dinao go tshwaraganela thuto ya bana le go ba aga le barutabana, gore ba gole e ba na le boikarabelo.
Kopo e e dirilwe ke mokgogo wa sekole se segolwane sa Matshekge, Rre Batshidi Tsae fa a ne a lekodisa phuthego ya therisanyo ya makhanselera le ditlhogo tsa maphata a puso mo kgalong potlana ya Bobirwa mo Bobonong bosheng.
Rre Tsae a re fa batsadi ba ka bopagana le barutabana banna seopo sengwe, ba seka ba supana ka menwana, sekole seo se ka alosa bana ba ba ka melediwang mathe.
O bile a tlhalosa fa sekole seo se na le bana ba le 1 620, mme fa ba bitsa diphuthego tsa batsadi le baruatabana, batsadi ba felela fela mo seatleng.
Rre Tsae a re e re ka jaana ba lemogile fa batsadi ba sa tsene diphuthego tsa mothale o, ba ne ba tswa ka mogopolo wa gore bogolo ba tshwarele diphuthego tsa batsadi le barutabana kwa dikgotleng tsa metse e e farolologanyeng.
A re ka tsamaiso ba leka go rotloetsa tshwaragano ya batsadi le barutabana le gore batsadi ba itse ka mananeo, ditsamaiso le mathata a sekole, ga mmogo le go ba fokoletsa ditshenyegelo tsa go latela diphuthego tse kwa sekoleng.
Mogokgo a re gape maikaelelo ke gore ba kopane le boeteledipele jwa bopalamente jwa dikgaolo tsa Bobirwa, Mmadinare le Tswapong bokone go ba lekodisa ka mathata a sekole sa bone.
Rre Tsae o bile a lekodisa phuthego eo ka mathata kwa sekoleng seo a a akaretsang letlhoko la metsi, tlhaelo ya ditilo le ditafole le go ima bana, a re basetsana ba le 26 ba tlogetse sekole ka ntata ya boimana ka ngwaga 2008.
A re mo nakong eno fa e sale ngwaga o simologa bana ba le lesome le motso ba mophato wa botlhano ba dule mo sekoleng ka ntlha ya boimana.
A re mme gantsi boimana jwa bana ba sekole bo diragala segolo bogolo ka nako ya fa bana ba le kwa malatsing a boitapoloso.
A re dikgang tsa go nna jaana di rotloediwa ke batsadi bangwe ba lebile go ja ba sa akanyetse bokamoso jwa bana.
Mogokgo a re batsadi ba tshwanetse ba gwetlhega go bua le bana ba bone, ka jaana dilo di fetogile, mme ngwana yo o tlogetseng sekole ka boimana go se motlhofo jaaka maloba gore a boele kwa sekoleng.
A re gape tsamaiso ya gompieno ga e ba letle go akaretsa bana ba go nna jalo mo mading a a abetsweng sekole ka gore go a bo go lekantswe palo ya bana ba ba leng mo sekoleng.
Fa a bua ka letlhoko la metsi o ne a re ngogola ba ntse sebaka sa dikgwedi tse nne ba se na metsi kwa sekoleng seo, mme seemo se se santse se tshwenya.
Rre Tsae a re se sengwe ke letlhoko la boroko, seemo se a reng se patika barutabana go tlhakanela matlo le ba ba nang le malapa tota.
A re go tlhaela ga ditlamelo mo kgaolong ya Bobirwa go dira gore barutabana ba hudugele kwa mafelong a sele kgapetsakgapetsa, selo se a reng se ama thuto ya bana.
Fa a itebaganya le matlo a baithuti a re a lekane baithuti ba le makgolo a supa, masome a fera bongwe le bone, fa baithuti ba ba tshwanetseng go neelwa boroko mo sekoleng ba le sekete le makgolo a mabedi, mme bale makgolo a mane, lesome le borataro ba se na boroko.
A re ba tsere tshwetso ya gore baithuti ba ba tswang mo Bobonong ba se ka ba neelwa boroko, mme go fiwe fela ba ba tswang kwa ntle ga Bobonong.
Ka jalo Rre Tsae o ne a kopa lephata la boipelego go firisetsa bana ba ba mo tlhokomelong ya lone ba ba tlhaetsweng ke boroko mme batswa kwa ntle matlo mo motseng, ka jaana sekole se ka seke se kgone go ba firisetsa matlo.
O ikuetse mo bogoging jwa kgaolo potlana eo go akarediwa mapolotiki, dikgosi le batsadi go ba ema nokeng ka go tshwaraganela nabo mathata a sekole.
Rre Tsae a re e re le mororo puso e tsere dikole, mme fela batsadi ba santse bana le seabe mo go tsone ka lekgotla la batsadi le barutabana.BOPA

No comments:

Post a Comment