Sunday, March 1, 2009

Ba Okavango ba kopiwa go itisa mo ditshiding tsa metsi

GUMARE Banni ba metse e e iphaphathileng ka noka ya Okavango ba gakololwa go nna podi matseba fa ba tshwara ditlhapi go tila go thulana le ditshidi tsa metsi tse di borai.
Mme Bathusi Monakaladi wa sepodisi sa morafe kwa Tubu o ntshitse Kgakololo eo rre mongwe wa leina la Sarefo Bolebelo wa dingwaga tse di masome marataro le borataro wa Tubu a se na go tlhaselwa a ba a bolawa ke kubu bosheng.
Mme Monakaladi o boletse mo potsolotsong gore moswi o ne a na le mongwe mme ba tlhaselwa ke kubu fa ba ne ba leka go tshwara ditlhapi kwa ledibeng la Wagora, dikhilomithara tse di robang bongwe kwa botlhaba jwa motse wa oo.
A re e ne ya re ba goroga kwa lefelong le go tsomelwang kwa go lone ba thaya letloa mo metsing mme moswi a ya ntlheng e nngwe ya noka fa yo mongwe a ne a sala fa ba gorogetseng teng.
Mme Monakaladi a re e rile ba tsweletse le tiro ya go thaya letloa ba tlhaselwa ke kubu, mme yo o neng a na le moswi a iphalotsa ka go sia, fa ka go tlhoka lesego kubu e ne ya sala e tlhasela moswi, mme ya mo gobatsa ditshika tsa molala, legale a re o ne a kgona go intsha mo metsing.
A re e ne ya re morago ga tiragalo, mongwe ka ene a ya go begela batho kwa Tubu mme ba molatela le ba bongaka ka maswabi a tlhokafalela motseleng. Le fa go ntse jalo, a re o ne a isiwa kwa kokelong ya Gumare kwa ngaka a fetileng a rurifatsa leso la gagwe.
Mme Monakaladi o tlhalositse fa badiri ba lephata la Diphologolo ba ile ba ne ba begelwa tiragalo e mme ba kgona go bolaya kubu eo ba bo ba e neela ba lesika la moswi go eja.
O tlhagisitse batho gape go emisa go tsoma ditlhapi ka jaana paka ya letsomo la tsone e sanse e tswaletswe, a re go dira jalo ke molato o ba ka o sekisediwang.
Go ya ka molawana wa thswaro ya ditlhapi o o simolotsweng ngwaga e e fetileng, molato wa go tsoma ditlhapi ka bokukuntshwane o atlholelwa lebaka la dikgwedi tse pedi go ya go tse tharo mo kgolegelong kgotsa go tsaya dikatlholo tsotlhe.
Lephata la diphologolo, tikologo le bojanala le tsere tshwetso eo ka banni ba kgaolo ya Nhabe ba ne ba ngongoregela go tshwatwa ditlahpi mo go sa siamang mo makgobokgobong a Okavango. BOPA

No comments:

Post a Comment